Acts 21

Loeto lwa go boela kwa Jerusalema

1Mme erile re sena go kgaogana le ba golwane ba Efeso, ra tlhamalalela kwa Kosa, letsatsi le le latelang ra goroga mo Rodesa ra ba ra tswelela ra ya Patara. 2Mme foo ra tshwara sekepe se se yang kwa Siria mo kgaolong ya Finikia. 3Re ne ra bona setlhake sa Kopero, mme ra se feta ka fa molemeng ra ema mo Ture, kwa Siria, kwa sekepe se neng sa ololelwa teng. 4Mme re ne ra fologa mo sekepeng, ra bona badumedi, mme ra nna le bone selekanyo sa beke. Barutwa ba ba ne ba tlhagisa Paulo, Mowa O O Boitshepo o porofesa ka bone gore a seka a ya Jerusalema. 5Mme erile bofelo ja beke fa re boela kwa mokorong, phuthego yotlhe mmogo le basadi le bana ba ya le rona kwa lotshitshing kwa re neng ra rapela ra bo ra ba sadisa sentle. 6Mme rona ra palama sekepe bone ba boela gae.

7Mme kwa re neng ra ema teng gape go tloga kwa Ture ke kwa Potolomaia kwa re neng ra dumedisa badumedi teng mme ra tlhola nabo le-tsatsi le le lengwe fela.

8Hong ra tswelela ra ya Kaesarea ra nna kwa lwapeng lwa ga Filipo wa Moefangele, mongwe wa batiakone ba ntlha ba ba supa. 9O ne a na le bana ba basetsana ba le bane ba ba sa nyalwang ba ba neng ba na le mpho ya go porofesa.

10Mme erile re santse re ntse malatsinyana, monna mongwe yo o neng a bidiwa Agabo, yo le ene o neng a na le mpho ya go porofesa, o ne a goroga a tswa Judea, 11mme a re etela. O ne a tsaya moitlamo wa ga Paulo, a ipofa maoto le mabogo ka one mme a re, “Mowa O O Boitshepo ware, mme fela jalo mong wa moitlamo o, o tlaa bofiwa ke Bajuta kwa Jerusalema a bo a isiwa Roma!” 12Mme erile re utlwa mo, rona rotlhe badumedi ba mo gae le bapati ba gagwe ba o tsamayang nabo, ra kopa Paulo gore a seka a ya Jerusalema.

13Mme ene a re, “Lo lelelang? Lo mphatlola pelo! Gonne ke ipaakanyeditse gore ke se ka ka tshwarwa fela kwa Jerusalema, mme le gore ke swe ka ntlha ya Morena Jesu.”

14Mme erile fa re bona gore ga a ka ke a rapelesega, ra itlhoboga mme ra re, “A go rata ga Morena go diragadiwe.”

Go goroga ga ga Paulo kwa Jerusalema

15Mme ya re morago ga moo ra phutha dilwana tsa rona ra ya kwa Jerusalema. 16Barutwa bangwe kwa Kaesarea ba tsamaya le rona, mme fa re goroga re ne re le baeng kwa lwapeng lwa ga Monasone; mongwe wa badumedi ba pele, yo o tlholegileng a tswa Kupero 17mme le badumedi botlhe kwa Jerusalema ba re amogela ka boitumelo. 18Letsatsi la bobedi Paulo o ne a re tsaya go ya go kopana le Jakobe le bagolwane ba phuthego ya Jerusalema.

19Mme morago ga re dumedisana, Paulo a bolela gape dilo tse dintsi tse Modimo o di diretseng Badichaba ka tirelo ya gagwe.

20Ba ne ba galaletsa Modimo mme ba re, “O a itse, mokaulengwe yo o rategang, gore go dumetse Bajuta ba le dikete tse kae. Mme ba gatelela thata gore Bajuta ba badumedi ba tshwanetse go sala ngwao ya bone morago. 21Bakeresete ba rona ba Sejuta mono Jerusalema ba setse ba boleletswe gore lo kgatlhanong le melao ya ga Moshe, le ngwao ya rona ya Sejuta, le gore lo itsa bana ba bone go rupa. 22Mme jaanong go ka dirwang? Gonne ba tlaa utlwa gore lo tsile.

23“Rona re akanya jaana: Re na le banna ba le bane fano ba ba ipaakanyeditseng go ipeola le go ikana. 24Tsamayang le bone kwa Tempeleng le lona lo fete lo ipeole, mme lo ba duelele go ipeola. Mme mongwe le mongwe o tlaa itse gore lo dumalana le Bakeresete ba Sehebera le gore le lona lo obamela melao ya Sejuta mme lo akanya jaaka rona mo dilong tse. 25Mme mo Bakereseteng ba Badichaba ga re ba laolele gore ba sale dingwao tse tsa Sejuta morago gotlhelele, fa e se tse re di ba kwaletseng kaga gore ba seka ba a ja dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa, ba seka ba a ja nama e e sa tshololwang madi ya diphologolo tse di kgamilweng, le gore ba seka ba dira boaka.”

Go tshwarwa ga ga Paulo

26
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 21:27.
27
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 21:26-27.
Mme jalo Paulo o ne a dumalana le kopo ya bone mme letsatsi le le latelang a tsamaya le banna a ya kwa Tempeleng, a dira gore maikano a gagwe a itsege ka go ntsha setlhabelo morago ga malatsi a supa le ba bangwe. Malatsi a supa a ne a tloga a fela fa Bajuta bangwe ba ba tswang Asia ba mmona mo Tempeleng mme ba tsosa mokubukubu mo bathong kgatlhanong nae. Ba ne ba mo tshwara,
28ba goa ba re, “Banna ba Iseraele! Thusang! Monna yo ke ene yo o rerang kgatlhanong le batho ba rona a ba raya a re ba tlole melao ya Sejuta. Ebile o bua kgatlhanong le Tempele ebile a e leswafatsa ka go tsenya Badichaba mo teng.” 29(Gonne mo motseng letsatsi leo, ba ne ba mmonye a na le Terofimo wa Modichaba yo o tlholegileng kwa Efeso, mme ba gopola gore o tsentswe ke Paulo mo Tempeleng.)

30Baagi ba motse otlhe ba ne ba shakgadiwa thata ke melato e a e pegwang mme ga tsoga mokubukubu o mogolo. Paulo o ne a gogelwa kwa ntle ga Tempele, mme ga tswalwa mabati ka bonako a sena go tsena. 31Erile fa ba ntse ba leka go mmolaya, lentswe la tla mo molaoding wa mophato wa masole a Roma gore motse otlhe wa Jerusalema o feretlhegile. 32Mme a akofa a laola masole a gagwe le baeteledipele gore ba tsene fa gare ga boidiidi. Erile fa baferetlhi ba bona mephato e tla, ba khutlisa go betsa Paulo.

33Mme molaodi wa mephato a tshwara Paulo mme a laola gore a bofiwe gabedi ka dikeetane. Mme a botsa boidiidi jwa batho gore ke mang le gore o dirileng. 34Bangwe ba ne ba bua se, ba bangwe le bone ba bua se sele. Mme erile fa a sa tlhaloganye se ba mo pegang molato ka sone, a laola gore Paulo a isiwe kwa kagong ya ditlhabano. 35Mme erile fa ba fitlha fa mapalamong ga nna pheretlhego e kgolo thata mo e leng gore masole a ne a tsholetsa Paulo a mmaya mo magetleng a bone go mmabalela, 36mme boidiidi jwa batho jwa salela kwa morago bo goa bo re, “A a bolawe! A a bolawe!”

Paulo o bua le tshimega ya sesole

37
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 21:38.
38
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 21:37-38.
Mme erile fa Paulo a tloga a tsenngwa mo teng a raya molaodi a re, “A nka bua nao?” Molaodi a botsa ka kgakgamalo a re, “A o itse Segerika? A ga o Moegepeto yo o neng a eteletse pele ditsuulodi dingwaganyana tse di fetileng a bo a tsaya maloko a babolai a le dikete tse nne a ya nabo kwa sekakeng?”
39Paulo o ne a fetola a re, “Nnyaa, Nna ke Mojuta kwa Tareso mo Kilikia, motse o o seng mmotlana. Ke kopa tetlelelo go bua le batho ba.” 40Mme molaodi o ne a dumela, jalo Paulo a ema mo mapalamong mme a gwetlha batho ka seatla gore ba didimale; ka bofefo ga nna tidimalo mo bathong, mme a bua le bone ka Sehebera a re:
Copyright information for TsnLEF